| Puo ya tona ya tlhabololo loago, Mme Edna Molewa, kwa tirelong phitlho ya moswi Jacob Mphafudi, 24 Ferikgong 2010. |
|
|
| Tuesday, 26 January 2010 | |
|
Motsamaisa lenaane-tiro, Ba lelapa la ga Mphafudi le ditsala, Baruti ba rona, Baagi ba Hammanskraal, Mokgapa o mogolo o wele! Re lebane le boammaruri jo bo tlwaelegileng mme ka gale go le bokete gore batho ba bo amogele. Ka mokgwa wa lone o le nosi, maatla a loso a kgona go koafatsa bo-magatlhamela masisi, gape le go tlhokisa ba ba nang le dithata thuso. Gompieno re koafetse le go tlhoka thuso gonne loso le re tsieditse la re tseela tokololo e e tlhokomelo e e agang setshaba. Mo letsatsing leno re ikutlwa re latlhegetswe mo go maswe gonne pelo e e tlhokomelo e sa tlhole e thenya. Ka jalo, go a tshwanela gore re tlotle Ntate Jacob Mphafudi, yo o amileng matshelo a rona, le ba me ka namana, jaaka rre, morutabana, mokaedi gape e le sekai. Re dira jaana re tlhaloganya gore puo ya molomo ga e ne e lekana go re gomotsa, gongwe go tlhalosa bogolo le botshelo jo bo tletseng ditiragalo tsa boeteledipele ba gagwe. Ba re mo itsetseng le go tshela nae, re ka paka gore selebo sa gagwe se ne se sa bontshe e le monna yo o amileng matshelo a le mantsi, yo o neng a dira pharologano, yo o tletseng thotloetso. Se ke ka ntlha ya gore boikobo jwa gagwe go le gale, bo ne bo mo kaela ka tshwanelo go se ikoketse magetla ka maje, gongwe go tlotlomalediwa tiro e ntle ya gagwe. Re tla mo gakologelwa jaaka moagi wa sebele yo o neng a sa batle tlotlomatso, lefa a ntse le diphitlhelelo tsa sebele le seabe se a ntseng le sone mo matshelong a ba bangwe. Re tlotlomatsa monna yo o neng a ipeile mo bathong fela, lefa a ne a atlegile thata. Go fitlha ka nako ya gagwe ya bofelo, o tsweletse go nna mongwe wa rona, yo o neng a se kitla a itlhaola mo setshabeng se se agileng nae.
Lefa go le jalo, re tshwanela ke go se letlelele boammaruri jwa loso go tlosa mogopolo wa nako e re ntseng le yone nae le loeto le re le tsamaileng mmogo nae. Go bangwe o tla gakologelwa e le morutabana yo o thusitseng go bopa isagwe ya bana ba le bantsi ka thuto. Gape bangwe ba tla mo gakologelwa e le motshola-kgabo yo o repitlileng maparego go iphitlhela e le rakgwebo mo maemong a a neng a sa isege a Apartheiti. Fela, mo go rona rotlhe, o tsweletse go nna motheo yo o neng a ikgatholosa maiteko mangwe le mangwe a puso ya apartheiti, go gatelela tswelopele ya motho le bokgoni jwa bantsho. Lefa a ne a batla go sutlhelela mo mefameng e mentshwa ya kgwebo, o ne a tlhaloganya sentle gore o ala motheo o o tsepameng wa isagwe ya batho ba gagwe. “Oom Jakes” ke wa lotso la bagaka ba tshwana le moswi ABC Motsepe le Dr Nthato Motlana, ba ba neng ba supa serodumo sa go tshola seabe sa bagwebi ba bantsho mo pusong ya apartheiti. Ga ke belaele sepe gore “Oom Jakes” ka bo ene, o tla dumela gore bao ba leng mo kgwebong ba na le maikarabelo a go e atolosa gore bangwe ba ungwe mo go yone. Se, ba tshwanetse go se dira lefa ba na le seabe mo ditshonong tsa kgwebo. Go botlhokwa gore phatlha eno, e e butsweng ke ene, e sirelediwe le go somarelwa gonne e le maungo a boswa ba gagwe.. Ka nnete re lesego gore “Oom Jakes” o re tlogelela boswa jo bo theilweng ka meeno e e botlhokwa ya maitsholo, boitlamo, boineelo le go dira ka natla. Eno ke meeno e a e theileng ka lorato, ka tshepo ya gore e tla nna boammaruri jwa ditoro tsa gagwe. O belegwe le go golela mo seemong sa kgatelelo mme “Oom Jakes ga a ise a dumele gore puso ya mofuta mongwe le mongwe, e ka tswa e le kgatelelo ya mokgwa ofe, e ka thibela kgolo ya gagwe gongwe go fedisa maitlhomo a gagwe. Tota le eseng khumanego, letshogo le kutlobotlhoko ga di a mo faposa mo maitlhomong a gagwe a borutegi. Se ke ka ntlha ya toro e a nnileng le yone gore morago ga thuto eo, o tla nna le seabe sa go ruta ba ba mo dikaganyeditseng. Go mo tlotla, re na le maikarabelo a go nna baagi ba ba matlhagatlhaga, bao seabe sa bona mo botshelong jwa naga se ikaegileng mo meenong e a e theileng. Jaaka “Oom Jakes” a dirile jaaka sekai mo go nna le ba bangwe ba le bantsi, gompieno re tlhoka basha ba ba rutegileng ba ba tla nnang le seabe se se tshwanang le seno mo baneng le basha ba rona. Ba tshwanetse go nna batho ba ba kgonneng go atlega mo matshelong a bona ka meeno eo “Oom Jakes” a e tshegeditseng go tshwana le maitsholo, go dira ka natla, boitlamo le boikanyego. Ke a itse gore go na le bagwebi ba ba fatlhogang bao bontsi ba nako ba batlileng mokgwa mongwe wa kgakololo mo go “Oom Jakes”. Mo go bone re re: Kaelo nngwe le nngwe e a le neileng yone, e saleng morago mme fa o atlega, mokgwa wa go mo tlotla, ke go dira pharologano mo setshabeng sa gago. Ka nnete botshelo jwa gagwe bo bua ka kgang ya lorato mo lelapeng la gagwe, boineelo mo setshabeng sa gagwe le lorato la tiro ya gagwe. Gompieno a re ketekeng botshelo jwa ga “Oom Jakes” – jo a bo tshedileng ka tlotlo le serodumo. Fa dikokomana tsa rona di ema ka dinao go gata mo motlhaleng wa bao ba nnileng le seabe mo tlhabololong ya setho, o tla akarediwa mo go ba ba leng kwa setlhoeng Ka ntlha ya seno, re fano go raya “Oom Jakes” re re: o tabogile lebelo le le tletseng le go diragatsa ditoro tsa gago. Mogopolo wa gago le ditoro di apesitse ditlhaloganyo di le dintsi. Le mo losong la gago, re go netefaletsa gore megopolo le ditoro tseno, di tla tswelela go salwa morago. Go re tlogela re sa solofela go re utlwisitse botlhoko thata, fela re tsaya maatla mo mafokong a gago a botlhale, ao a re rutileng kitlano, boitshoko le tlotlo. Re lesego ka o nnile karolo ya rona, le gore re abelane metsotso ya boitumelo le botlhoko nao. Gompieno, boammaruri jo re palelwang ke go bo amogela, bo tsenelela mo go rona gore ga re sa tlhole re tla go bona. Fela ka ntlha ya lorato le o re neileng lone, o tla tswelela go nna mo dipelong le megopolo ya rona.Re leboga Modimo go re neela motsadi yo o lorato jaaka wena, molekane yo o tlhokomelo, moeteledipele wa setshaba yo o boineelo gape o le morutabana wa maemo a kwa godimo wa batho. A mowa wa gagwe o robale ka kagiso
|








